KA FA O KA THIBELANG DITLHAKATLHAKANO TSA DITLHAELO TSA AYODINE (IDD)
DITLHAKATLHAKANO TSA DITLHAELO TSA AYODINE (IDD) KE ENG?
Ayodine ke minerale o mmele wa motho o o tlhokang gore boboko bo gole, boitekanelo le kgolong ya bana. Fa motho a sa bone ayodine e e lekaneng, a ka nna le maemo a a farologaneng a kakanyo le mmele a a itseweng jaaka tlhakatlhakano ya tlhaelo ya ayodine (IDD).
Bana ga ba gole sentle. Ka gale ba ba khutshwane go na le bana ba bogolo bo bo tshwanang ba ba boneng ayodine e e lekaneng.
Bana ba na le mathata a go ithuta mme ga ba dire sentle kwa sekolong.
Batho ba lapa bonolo.
Bana ba belegwa ba le bannye.
Tshenyego ya boboko e tlhagelela mo baneng.
Go fetelwa ga tlholego, jaaka batla -ba- lapile le go fetelwa.
Batho ba ka tlhoga koitere. Koitere ke borurugo mo molaleng. Seno se bontsha gore mmele o na le tlhaelo e e masisi ya ayodine.
KE MANG YO O KA NNANG LE IDD?
Motho mongwe le mongwe yo o sa tseyeng ayodine e e lekaneng a ka nna le IDD.
Fa motho:
A dirisa letswai le le matlhaswa la ayodine;
A dirisa letswai le le se nang ayodine.
A dirisa letswai le le sa kwalwang "le na le ayodine";
A dirisa letswai le le se nang ayodine go tswa dipaneng tsa matswai; le/kana
A ja dijo tse di se nang ayodine e e lekaneng.
Dijo tse di jetsweng mo mmung le/kana metsi a a nang le ayodine e e kwa tlase, ka gale di na le maemo a a kwa tlase a ayodine. Mo mafelong a le mantsi a lefatshe, go akarediwa le Aforika Borwa, ayodine mo mmung e fedile ka ntlha ya kgogolego le merwalela.
RE KA THIBELA JANG IDD?
Mekgwa e e gaisang ya go tila IDD ke go:
Dirisa letswai le le nang le ayodine. Lona le teng mo mabenkeleng a le mantsi a a rekisang kerosari. Mafoko "letswai le le nang le ayodine" a tshwanetse go tlhagelela mo paketeng.
Ja dijo tsa lewatle jaaka tlhapi ya metsi, fa go kgonega.
Go na le molao mo Aforika Borwa o o reng letswai lotlhe la tafole le le rekisediwang setšhaba le tshwanetse go nna le ayodine.
KE SELEKANO SE SE KAE SA LETSWAI LA AYODINE LE MOTHO A TSHWANETSENG GO LE DIRISA GO THIBELA IDD?
Letswatsana le lennye le le nang le ayodine ka letsatsi le letsatsi e lekane go thibela IDD.
Ga go tlhokege gore motho a je letswai la ayodine e e feteletseng. Go dirisa selekano se se ntsi sa letswai la ayodine ga go ne go dira motho go nna botoka kana go gola ka boleele. Mo nneteng, letswai le le ntsi le ka oketsa kgatelelo ya madi, go go leng kotsi thata.
A LETSWAI LA AYODINE LE NA LE TATSO E E FAROLOGANENG ?
Letswai la ayodine le lebega le go latswega ka nepo go tshwana le letswai le le se nang ayodine.
A LETSWAI LA AYODINE LE BABALESEGILE?
Ee, letswai la ayodine le babalesegile. Motlhagisi wa letswai o tsenya ayodine e nnye thata mo letswaing, e e lekaneng mo go se mmele o se tlhokang. Letswai la ayodine gape ga le kotsi mo bathong ba ba setseng ba bona ayodine e e lekaneng go tswa mo dijong tsa tlholego.
LETSWAI LE LE NANG LE AYODINE LE TSHWANETSE GO DIRISIWA LE GO BOLOKIWA JANG?
Tshola letswai le le nang le ayodine mo setsholeng se se omileng ka sekhurumelo se se tshwarang mo go lekaneng kana se tswaletswe mo kgetseng ya polaseteki gonne ayodine e mowafala bonolo.
Tsenya selekano se se nnye sa letswai le le nang le ayodine mo dijong fa dijo dile gaufi le go butswa, gonne karolo ya ayodine e senngwa ke bolelo ka nako ya go apaya.
GO KA DIRWA JANG FA MOTHO A ILANA LE AYODINE?
Batho ba le mmalwa ba ilana kana ba tshwenngwa ke ayodine. Le gale, ba ka botsa rrakhemese wa selegae go ba oreterela letswai le le se nang ayodine.
KE KA NTLHA YA ENG GO LE BOTLHOKWA GO THIBELA IDD?
Go botlhokwa go thibela IDD ka ntlha ya ditlamorago tse dintsi tse di masisi tsa monagano le mmele
Mongwe le mongwe o tlhoka dijo tsa mefutafuta le selekano se se nnye sa letswai le le nang le ayodine ka letsatsi go bona kgolo ya boitekanelo jo bo siameng le ya monagano le mmele o o tokafetseng.
E rebotswe ke Lefapha la Boitekanelo,
Bokaedi jwa Dikotla
Kgetsana ya Poso X 828
Mogala: 012 312 0000
Fekese: 012 323 7457
Phatwe 2001
